Fa konopo ya madume e sa bonale mo lebokosong la didirisiwa kgotsa mo seoleding, tlhola malepa a go e bonatsa.
Table of Contents
Isa konopo ya Madume a Firefox ko lebokosong la gago la didirisiwa
Tlhola lebati laDidirisiwa tsa tlaleletso le Mefuta go bona gore a mme konopo e teng. O ka e sutlisetsa mo lefelong le o le batlang ebile le go siametse. O ka sutlisa konopo ya madume jaana :
- Tobetsa konopo ya seolediThe image "new fx menu" does not exist. mo mojeng o o ko godimo mo sebatling
- Tobetsa go bona didirisiwa tsa taleletso tsa Firefox le kokoanyo ya dirweboleta.
- Gogela konopo ya madume go tswa mo didirisiweng tsa tlaleletso go ya ko lebokosong la didirisiwa kana ko seoleding.
- Tobetsa go fetsa.
Tswaa mo Patlong ya Sephiri
Fa o le mo Letlhabaphefo la Sephiri (le supiwa ka konopo ya setlhotlhi), Konopo ya madume a Firefox e tlaa nyelela.
Tswala letlhabaphefo la sephiri, a bo o dirisa Firefox ka mokgwa wa patlo o o tlwaelesegileng.